Kholetšhi ya Orbit le setlhopa sa Rise and Shine ke bo ntlhopeng ba North West Sports Awards 2023
The Department of Arts, Culture, Sports and Recreation (ACSR) ka tshwaraganelo le North West Sports Confederation ba itsisitse ka boipele bo ntlhopeng ba dikabo tsa bo robedi tsa North West Sports Awards 2023.
Maitlhomo a dikabo tseno ke go tlotla le go tlotlomatsa metshameko go ralala porofense ya Bokone Bophirima le go lebogisa ba tsaya karolo botlhe mo metshamekong mo nageng le bo ditshabatshaba. Dikabo di arogantswe ka dikarolo dile lesome robongwe di akaretsa, Sports Star of the Year, Sports Man and Woman of the Year le Premier and MEC excellence awards.

Mono ngwaga Kholetšhi ya Orbit e e sa tswang go tlhatlosediwa kwa legeng ya Motsepe Foundation Championship e iphitlhela ele bo ntlhopeng. Setlhopha seno se se katisiwang ke Pogisho Makhoye ba simolotse setlha ka noto e e kwa godimo jaaka ba iphitlhela ba le kwa setllhoeng sa Motsepe Foundation Championship ka dintlha dile masome a mabedi pedi morago ga metshameko ele lesome nngwe. Setlhopa seno sa kwa Rustenburg se fentse metshameko ele supa, ba tshameka maleka o le nosi mme ba latlhegelwa ke ele meraro. Ba nositse dino dile lesome tlhano fa ba nositswe dile lesome nngwe.
Kgabagare setlhopa sa Rise and Shine e nnile le setlha se ba tla batlang go se lebala ka bonako, morago ga go fetsa setlha ba le mo maemong a bosupa mo North West Sasol League Stream B. Setlhopa seno sa kwa mmasepaleng wa selegae wa Ramotshere Moiloa ba feditse setlha ban a le dintlha di le robedi morago ga go fenya metshameko ele mebedi, ba tshameka maleka e le mebedi le go latlhegelwa ke e le lesome, ba nositse dino dile lesome supa mme ba nosiwa dile masome a matlhano nngwe.

Mo puisanong le Kgwele monnasetulo wa Rise and Shine o tlhalositse jaana: “It was our first season for us competing in the provincial Sasol Women’s League, but we managed to avoid relegation by saving our status. We learned a lot as the team and we believe that as per our preparation, we hope to do much better and finish high up in the league. We have been taking part in various cup competitions as part of our pre-season. We have managed to identify few players that will form part of our team in the new season. I believe come the new season will be ready to compete”.

Sports Team of the Year
Ngaka Modiri Molema Open Boxing Team
Orbit College FC
Rise and Shine FC
Sports Star of the Year
Atisang Batsi: Orbit College FC
Tete Dijana: Comrade Marathon Runner
Tshepo Tshite: Commonwealth Athlete Runner
Elmarie Van De Berg: Netball World Cup Star
Moletlo wa dikabo o tla tshwarwa ka tsela e e ntseng jaana
Letlha: 18 Ngwanaatsele 2023
Nako: 18h00
Lefelo: Mmabatho Convention Centre

