Amatuks e palama setlhoa sa lega ya Motsepe Foundation Championship!!!
Amatuks ba tsurame setlhoa sa lega ya Motsepe Foundation Championship fa Magesi e tlhatlogetse kwa maemong a bobedi mme Orbit College e iphitlhela e kokometse maemo a boraro ka dintlha dile masome a mararo tharo morago ga metshameko ya mafelo a beke.
Le fa gone batshameki ba Amatuks ba le babedi ba ne ntshetswa kwa ntle, Amatuks ene ya fenya Upington City ka dino dile pedi go ele nngwe le go tlhatlogela kwa godimo ga Orbit College.
Ditlhopha tsa kwa Limpopo le tsone di fentse jaaka setlhopa se se mo maemong a bone sa Baroka se padimotse Pretoria Callies ka dino dile pedi go ele nngwe, Black Leopards ba faphile Platinum City Rovers ka dile tharo go ele nngwe mme Venda Football Club e tswile kwa mogatleng wa lega morago ga go fenya Hungry Lions ka nno go lefela.
Re sa le fo o Orbit College ba kankolotswe kwa maemong a ntlha morago ga tatlhegelo ya nno go lefela kgatlhanong le Casric Stars e e tlhatlogetseng kwa maemong a borataro. Setlhopa sa Magesi se se katisiwang ke ke Clinton Larsen se tlhatlogetse kwa maemong a bobedi morago ga go fenya Marumo Gallants ka dino dile pedi go lefela.

