CEO ya SAFA e tlhalosa lebaka la go tshwarela metshameko ya Bafana Bafana kwa Gauteng pele
Johannesburg: CEO ya SAFA Lydia Monyepao totobaditse dintlha tse di tlhotlheleditseng gore metshameko ya botsalano e e mebedi ya Bafana Bafana e ne e tshwaretswe kwa Gauteng fela, mme e sa tshwarelwa kwa di toropong tse dingwe.
Seno ke jaaka fa Bafana Bafana e tshamekile metshameko ya ona ya botsalano le Namibia le Democratic Repubic of Congo (DRC) kwa lebaleng la Orlando kwa Soweto. Bafana ba tshamekile 0-0 le Namibia ka 09 Lwetsi 2023 morago ga phenyo ya 1-0 kgatlhong le DRC ka labobedi maitseboa. E ne e le lekgetlho la bobedi ka tatelano Bafana ba tshamekela kwa Gauteng morago ga gore ba tshameke kgatlhano le Morroco fa ba ne ba tshameka 2024 AFCON Qualifiers ka Seetebosigo kwa lebaleng la FNB.
Makawana a ga Hugo Broos ba tshamekile metshameko e e mebedi go sena babogedi mme batho ba ne ba botsolotsa gore ke ka ntlha ya eng fa metshameko ya Bafana e tshwarelwa kwa Gauteng yotlhe fela. Monyepao o tlhalositse mabaka a gore ke eng ba ne ba tshwarela metshameko ya Bafana kwa Gauteng jaana;
“I can assure you that we had approached a number of cities for these games, but Cape Town told us the stadium was undergoing renovations,” Monyepao o tlhalositse jalo mo Radio 2000.
“Durban also had other commitments. The other provinces didn’t come back to us even though they always say they want to host. “But also we need a letter of commitment because there are costs and they are double when you leave Gauteng.
“So we had to make calls and fortunately Gauteng was available again. We do want to take Bafana Bafana and Banyana Banyana around the country but other provinces need to come on board.
Naledi ya maloba ya Banyana Banyana o tlhalositse mabaka aa tlhodileng gore DRC e be e nnile le balatedi ba ba ntsi jaana;
“We’re not surprised by the huge attendance of Congolese fans in Orlando. We knew there are a lot of them in the country and engaged with their embassy to help us mobilise them since it will be their only chance to see their team,” He said. | Tshedimosetso ka Farpost

