“Ditonamente tsa basha ke isago mo Aforika Borwa” – George Maluleke
Motshameka-gare wa setlhopa sa Amazulu, e bong George Maluleke o tlhalositse gore ke eng a re isago ya Aforika Borwa mo kgweleng ya dinao e ikaegile mo ditonamenteng tsa basha.
Mido jaaka a itsege e bile eleng ambassador ya Engen Champ of Champs e e sa tswang go fenngwa ke setlhopa sa Stellenbosch go sa le ga le kgwedi eno, a re go botlhokwa go fatlhosa batshameki go sa le gale.

George Maluleke o tlhalosa jaana: “It’s very important, especially if they start off at a very young age. You even find the player that is even more quality because they’ve been developed from an early age. So this tournament sets a benchmark and a lot of people know that it’s a very big tournament. All the scouts come here because of the players this tournament has produced, like myself, Kermit Erasmus and Daine Klate”.
Batshameki bano ba ba dirisitsweng ke Maluleke jaaka dikai, ba feleleditse ba a tlegile thata mo metshamekong ya kgwele ya dinao ebile ba ribolotswe mo metshamekong eno ya basha. Batshameki bano ba tshameketse naga kwa metshamekong ya seemo se se kwa godimo, ba santse ba tshameka ebile bangwe ba fentse bosimega.
Sebe sa phiri ke gore ga ese batshameki botlhe ba ba bonang tshono ya go ya go tshameka kwa PSL, fa bangwe ba tlhagelela ka magetla ba setse ba le mo dingwageng tse di kwa godimo.
“There are so many dynamics that go into that. Firstly, the support from parents. The player itself, the understanding of the game, the contractual issues that take part. Because it goes down to the contract. “This is something we’re going to be doing in all other tournaments to introduce the mental aspect of the game, financial institutes where they can teach these players from a very young age” Go tlhalosa George Maluleke | Tshedimosetso ka SABCSport


