Morena Ramoreboli o gareng ga bontlhopeng ba kabo e e kgolo
Jwaneng: Mokatisi wa mo Aforika Borwa Morena Ramoreboli, yo e leng tlhogo ya bokatisi wa Jwaneng Galaxy e e gaisanang kwa Botswana Premier League (BPL) ke mo mongwe wa bontlhopeng ba dikabo.
Ramoreboli o thusitse thata Jwaneng Galaxy go fitlhelela bosimega jwa kgaisano ya Botswana Premier League mo setlheng se se fitileng, o dirile tiro e e kgolo. Setlhopa sa Jwaneng Galaxy se mo ipaakanyetsong ya go tshameka le Orlando Pirates mo kgaisanong ya CAF Champions League mo bokhutlong jwa beke, mme mokatisi Ramoreboli ke mongwe wa bo ntlhopeng ba kabo ya mokatisi o o gaisitseng wa ngwaga.
Letlha la moletlo le beetswe ka la 7 Diphalane kwa Gaborone International Convention Centre [GCC].
Mokatisi Ramoreboli o tlaa gaisana le bakatisi ba ba jaaka mokatisi wa maloba wa Bay United Pontshi Moloi, o o katisang Gaborone United, Seemo Mpatane wa Eleven Angles le wa Masitaoka Mandla Mpofu.
Ramoreboli le Moloi ba fentse ba dirile bontle mo setlheng se se fetileng, kgabagare gona le tsholofelo ya gore Ramoreboli, o o neng a katisa setlhopa sa Bafana Bafana ka nako ya kgaisano ya 2023 COSAFA a ka fenya kabo fa go lebeletswe diphitlhelelo tsa gagwe. Jwaneng Galaxy ke nngwe ya bo ntlhopeng ba Botswana Football Association (BFA) ya kabo ya setlhopa sa borre se seneng se tuka malakabe sa ngwaga. E simolotswe ke BFA, mme kabo e solofetswe go nna ya maemo a a kwa godimo mo khaledareng ya metshameko ya kwa Botswana.
Setlha sa Botswana Premier League 2023/24 se buseditswe kwa go Diphalane, e seng jaaka e ne e tshwanetse go simolola ka Lwetsi.
Moporesidente wa CAF DR Patrice Motsepe o solofetswe go nna moeng wa tlotlego.

