Chiefs le Pirates ga dia tshwanela go itumelela maemo a bobedi – “Ramovic”
Mokatise wa TS Galaxy Sead Ramovic o gwetlile mekaloba ya kwa Soweto eleng Kaizer Chiefs le Orlando Pirates ka gore ba seke ba itumelela maemo a bobedi a lega mme ba kankolole Mamelodi Sundowns mo go tsweleleng pele go fenya lega.
Chiefs le Pirates eleng ditlhopa tse di itsegeng thata mo PSL, ba ntse ba sa dire sentle mo ditlheng dile mmalwa tse di fetileng fa Bafana ba Style bone ba tsweletsa metseletsele ya go gapa bosimega jwa lega.

Mokaloba ono wa kwa Tshwane o fentse lega makgetlho a le marataro ka tatelano ntle le kemo kgatlhanong, ntle fela le setlha sa 2019/2020 fa Kaizer Chiefs ene e ba tsogetse kgatlhanong mme “Phefeni Glamour Boys” ba latlhegelwa ka letsatsi la bofelo.
Lwa bofelo fa setlhopa sa “Buccaneers” ba ne ba fenya lega ke ka setlha sa 2011/12 fa mo go je lengwe “Phefeni Glamour Boys” e fentse lega lwa bofelo ka setlha sa 2014/15.
Mo setlheng seno “Shoeshine and Piano” e setse e butse sekgala sa dintlha dile supa marago ga metshameko ele robedi e ba ikgapetseng dintlha dile masome a mabedi nne mo go yo a.

Ramovic o lopile mekaloba eno ya kwa Soweto go emisa Sundowns mo metseletseleng ya go fenya lega gonne a re ba na le ditlabakelo tsotlhe. Ramovic a re fela jaaka Sundowns, Pirates ke setlhopa se se diphatsa. O tsweletse ka gore Pirates le Chiefs ka gale ba tshwanetse go gaisanela go fenya bosimega jwa lega eseng go lwela maemo a bobedi gonne ele ditlhopa tsa maemo a a kwa godimo ka bakatisi le batshamiki ba maemo a a kwa godimo.
Ramovic a re Pirates le Chiefs ba ka dirisa go nna le madi gwa bona jaaka tshiamelo ya go gwetla bosimega jwa lega eleng se se tla natifisang lega go fitlha se ya fifing ka Motsheganong.


