#SAFASports

Kgogo ya Hollywoodbets COSAFA Women’s Championship e itsesitswe

Gauteng: Kgogo ya semmuso e e tlhagisang legato la ditlhopa ya Hollywoodbets Cosafa Women’s Championship 2023 e itsesitswe maloba.

Metshameko eno ya 2023 e tla tshwarelwa kwa Gauteng go simolola ka di 4-15 Diphalane 2023. Basireletsi ba sejana seno eleng Zambia ba solofetswe go sireletsa sejana se ba se fentseng ngwaga tlola. Naga ya Zimbabwe e tla boa gape e nna karolo ya metshameko eno ya boditshabatshaba.

Dinaga di kgaogantswe ka ditlhopa dile tharo. Setlhopa sengwe le sengwe sena le dinaga dile nne. Bafenyi ba ditlhopa tseno ba tla iponela manno kwa seka makgaolakgannyeng, fa ba ba feditseng mo maemong a bobedi batla sutlhelela kwa legatong la mantshano.

Group A e na le ba amogela baeng ebile ele ditshimega makgetho a le supa Aforika Borwa, Malawi, Madagascar le Eswatini. Fa mo Group B go golegilwe Zambia, Mozambique, Angola le Comoros mme Group C gona le Namibia, Botswana, Zimbabwe go akaretsa Lesotho.

Metshameko eno e solofetswe gonna e e rokotsang mathe mo metshamekong ya basadi ya dikgaisano mo kontinenteng. Zambia le Aforika Borwa eleng ditshimega tsa Aforika, ba satswa go bontsha bokgabane kwa sejaneng sa lefatshe sa basadi monongwaga se seneng se tshwerwe ke Australia le New Zealand kwa gone ba supileng bo gatlhamela masisi.

Kgaisano e no e tla nna ipaakanyo e e maleba ya go ipaakanyetsa tikilogo ya bobedi ya go iponela manno kwa metshamekong ya Paris 2024 Olympic Games.

Ditlhopa dile mmalwa tsa COSAFA di tsaya karolo mo metshamekong eno. Zambia e tla suputsana le Mali, Namibia le Botswana fa Aforika Borwa e tla nkgisana magwafe le DR Congo mo metshamekong e e rulaganyeditsweng go tshwara moragonyana ka Diphalane. Go tswa mo makgetlhong a le lesome a metshameko eno e tshamekilweng ka yona, Aforika Borwa e fentse makgetlho a le supa, Zimbabwe e fentse ka 2011, Tanzania ka 2021 fa Zambia e fentse ngwaga tlola. | Tshedimosetso ka GSport4girls