Motshameka-morago wa Kaizer Chiefs wa mo malobeng o dumela gore ditlhopa tsa PSL di ka ungwela go tswa mo Varsity Football
Tshwane: Motshameka-morago wa maloba wa Kaizer Chiefs le Mamelodi Sundowns Derrick Spenser o dumela gore ditlhopa tsa Premier Soccer league (PSL) ditshwanetse go batla batshameki mo tonamenteng ya kgaisano ya Varsity Football.
O tlhalositse mekgwa e e farologaneng e Varsity Football e tsweletseng pele go ribolola ditalente tsa makawana. Mokaloba wa dingwaga tse 41, o kaile gore dikolo tse di ribololang ditalente tsa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase tsa kgwele ya dinao ditshwanetse go tseelwa matsapa thata, “We argued about this when we were doing CAF Licence that we need to take football back to the schools and universities.
“School was our development in South Africa and now Varsity Football is following those footsteps and produces quality players the PSL can benefit from. Even though Varsity Football is doing amazing work it is still too far, we need to go to the grassroots.”

Spenser o tshameketse ditlhopa tse di tona mo PLS go akaretsa Mamelodi Sundowns. O kaile gore bakatisi ba tshwanetse go thusa go ribolola ditalente tsa bana ba ba kwa dikolong le kwa di Yunivesithing, “People who have coaching badges should be employed to be able to equip those Varsity Football players and give them as much exposure as they can. You can’t just get any teacher to coach but get someone who understands and studies what they are doing.
“We did this back in the day, we need to go back to basics.”

