#SAFACommunityNewsSports

Crouses ba fenya mo pulong ya metshameko ya Sasol League National Championship 2023

Botshabelo: Letsatsi la ntlha la metshameko ya Sasol League National Championships e e tshwaretsweng kwa lebaleng la Dr Petrus Molemela kwa Bloemfontein, le bontshitse lobebe lwa kgwele ya dinao, motlele wa dino go akaretsa talente e e tsitsibanyang mmele.

Setlhopa sa Crouses Ladies go tswa kwa Gauteng, e nnile bafenyi bagolo ba letsatsi morago ga go ripitlakaka setlhopa sa Sasol Juventus go tswa kwa Mpumalanga ka dino dile tlhano go ele nngwe (5-1) mo motshamekong yo oneng o tswalela letsatsi, eleng phenyo e e bontshitseng maikaelelo a setlhopa seno sa kwa Gauteng mo kgaisanong eno.

Mo motshamekong wa pula madibogo, setlhopa sa kwa Limpopo sa Ramatlaohle Ladies se notile University of Cape Town ka dino dile tharo go ele nngwe (3-1). Maitemogelo a batshameki ba setlhopa seno sa kwa Limpopo a thusitse thata mo go netefatseng fa Ramatlaohle Ladies ba bona di ntlha di le tharo.

Fort Hare e eneng e tuka malakabe le go laola motshameko, e tla supa ka monwana batshameka morago ba yona marago ga go noswa dino dile pedi tse ba kabong ba di efogile, morago ga go fenya setlhopa sa Royal Wizards sa kwa Northern Cape, ka dino di le nne kgatlhanong le tse pedi (4-2).