Naledi ya sundowns e tlhagelela mo lenaaneng la FIFA!!!
Naledi ya Mamelodi Sundowns Thapelo Maseko ke mongwe wa batshameki ba le batlhano ba Aforika ba ba bontshitseng manontlhotlho kwa metshamekong ya sejana sa Aforika sa kete pedi masome a mabedi tharo (2023)
Motshameki yono wa mo lefukeng yo o lobelo o kailwe gape jaaka “Most valuable player” kwa African Football League, ebile tshameko ya gagwe e e manontlhotlho e dirile gore a biletswe kwa setlhopeng se eneng ele karolo ya AFCON sa ga Hugo Broos.
O tlhageletse makgetlho a le matlhano kwa tonamenteng pele a bona kgobalo ya mosifa mo motshamekong wa quarter final o ba o fentseng kgatlhanong le Cape Verde.
Maseko o nositse metsotso ele metlhano a sena go tsena mo lebaleng fa ba ne ba fenya Namibia ka dino di le nne (4) go le fela (0) kwa metshamekong ya AFCON fela loeto lwa gagwe le ne la fela ka bonako kwa metshamekong eno morago ga kgobalo.
Maseko yo aleng 5Ft 3in ka boleele, o tlhageletse ka magetla ka ngwaga wa kete pedi masome a mabedi tharo morago ga go fenya African Football League le Mamelodi Sundowns le go fenya kabo ya motshameki yo o ga isitseng.
Le fa go ne Maseko ene ese karolo ya setlhopha sa go kwalifaela metshameko ya sejana sa lefatshe ka Ngwanatsele ngwaga tlola, go bonala fa mokatise Hugo Broos a tla mmiletsa kwa setlhopeng se se tla tsayang karolo mo legatong le le latelang la metshameko eno ka Seetebosigo mono ngwaga. Aforika Borwa e eleng mo maemong a bobedi mo Group C e tla tshameka kgatlhanong le Nigeria e e ba ntsheditseng ntle kwa seka makgaolakgannyeng a metshameko ya AFCON le Zimbabwe.

