Tiro ya botshwaradino jwa ga Matane ke ya maemo aa kwa godimo mo NWU
Mahikeng: Motshwaradino wa setlhopa sa NWU, o iponagaditse jaaka naletsana e bokamoso jwa yone bo tlileng go phatsima ka bokgobni jwa gagwe jwa go sireletsa dino mo motshamekong. Lekawana le le bonetsweng mo Mahikeng le tsweletsepele go dira matshetshe le matsetseleko fa a thibile e bile ke mamoratwa wa batho botlhe.
Mo metshamekong yotlhe ya ngwaga o, Matane o ntse a direla setlhopa sa gagwe sa NWU ka natla. Mo metshamekong e le mene, lekawana leno le ntse le itlhagisa sentle gore o dira ka manontlhotlho e bile o sireleditse dino di le tharo. Tiragatso ya ga Matane e mo baya mo maemong a bangwe ba ba tshameki ba ba gaisang thata mo NWU. Matane o na le bokgoni jwa go buisana sentle le batshameka morago ba gagwe, le bokgoni jwa go ba laola sentle.

Loeto la ga Matane la botshwaradino o le tshimolotse ka 2007, mme o rotloeditswe thata ke Itumeleng Khune, e bile o ipona jaaka Khune fa a setse a le motshamekong. O tshimolotse go tshamekela NWU ka 2021, mme o dira tiro e e tswileng diatla.
Bokgoni jwa ga Matane jwa bosireletsadino ke jwa maemo a a kwa godimo, mme o tsweletsepele go kwala NWU ka ditlhaka tsa molelo le go e neela serodumo se se ntle. O dirisa bokgone jwa gagwe jo a boithutileng kwa Mmabatho Rabbits. Ponelopele ya gagwe ke go ipona tsweletsepele e bile e le motshwaradino wa ditlhopa tse di tona mo nageng.
Mo setlhopeng sa NWU, Matane o na le seabe se se tona, e bile o na le phisegelo ya go fitlhisa setlhopa sa NWU kwa legatong la mantshetso ntle la Varsity Football. O dumela gore Varsity Football e botlhokwa thata mo go thuseng go ribolola ditalente tsa makawana a a mannye le bokgone jwa bona.


