#MotsepeFoundationChampionshi#SAFANewsSports

Kholetšhi ya Orbit e tlhatlogela kwa setlhoeng sa lega

Kholetšhi ya Orbit e boetse kwa setllhoeng sa lega jaaka ba tswelwetse go dira bontle mo setllheng sa bone sa ntlha mo legeng ya Motsepe Foundation Championship. Setlhopa seno sa kwa Rustenburg, ba eleng bo magoroga-masha mo Motsepe Foundation Championship mo setlheng seno, ba tlhatlogetse kwa setllhoeng sa lega morago ga go padimola Marumo Gallants ka dino dile tharo go dile pedi.

Kholetšhi ya Orbit, Maritzburg United go akaretsa Hungry Lions ba tlhatlogetse kwa maemong a a kwa godimo mo legeng fa pele ga Magesi, e e latlhegetsweng ka dino dile tharo go tse pedi kgatlhanong le JDR Stars ka lamatlhatso kwa lebaleng la Old Peter Mokaba eleng tatlhegelo ya bobedi ka tatelano ya metshameko ya Motsepe Foundation Championship.

Mo go tse dingwe Maritzburg United e fentse Platinum City Rovers ka nno go lefela kwa lebaleng la Isak Steyl fa Hungry Lions e bone phenyo ya boraro ka tatelano fa ene e setlha La Masia ka dino dile nne go lefela. Milford e bone phenyo ya bone ya ntlha ya setlha sa 2023/24 fa ba ne ba nota Casric Stars ka dino dile pedi go lefela kwa lebaleng la Giyani.

Nno ele nosi ya motsotso wa bo masome a robongwe ka Sontaga ya ga Kabelo Kgositsile e neetse Baroka phenyo kgatlhanong le Venda Football Academy fa University of Pretoria e fentse Black Leopards ka nno ele nosi go lefela.

Dipholo ka botlalo

Friday, 6 October

La Masia 0-4 Hungry Lions

Saturday, 7 October

Orbit College 3-2 Marumo Gallants

Casric Stars 0-2 Milford

Platinum City Rovers 0-1 Maritzburg United

Magesi 2-3 JDR Stars

Upington City 1-1 Pretoria Callies

Sunday, 8 October

University of Pretoria 1-0 Black Leopards

Venda Football Academy 0-1 Baroka FC

Tshedimosetso ka SABC Sport