University of Western Cape ke ditshimega tsa sejana sa 2023 Woman’s Varsity Football
Tshwane: Yunivesithi ya Western Cape e fentse bosimega jwa 2023 Woman’s Varsity Football morago gago rakana le basireletsa bosimega ba Yunivesithi ya Johannesburg ka 2-0 kwa legatong la makgaola kgang kwa lebaleng la metshameko la TUT kwa Tshwane. Ditlhopa tseno di tshamekile makgaolakgang ngwaga o o fitileng, mme e ne e le lekgetlho la bobedi morago ga dingwaga dile tlhano gore setlhopa sa UWC se gape bosimmega.
Nno ya ntlha ya setlhopa sa Yunivesithi ya Western Cape e nositswe ke Lontheba Mhlongo ka motsotso wa 10. Setlhopa sa Yunivesithi ya Johannesburg ga sa bona tshono epe gore ba kgone go boa kwa morago ka gore setlhopa sa Yunivesithi ya Western Cape se ne sa netefatsa fa se tsaya taolo go fitlhelela motshameko o ya go ikhutsa, mme bangwe ba batshameki ba neng ba le teng ke Bongeka Gamede le Snegugu Zondi ba Banyana Banyana. Katlego Mabuza o netefaditse fa a tsweletsapele metseletsele ka go nosa nno ya 2, metsotso e le 13 morago ga gore motshameko o boe kwa boikutsong.


