Young Stars ke di tshimega tsa SAFA Women’s Regional League
Mahikeng: Setlhopa sa Young Stars go tswa kwa Brits kwa motseng wa Letlhabile ba fentse bosimega jwa kgaisano ya SAFA Women’s Regional League, kwa metshamekong ya SAFA North West Women’s Inter-Provincial Play-offs e eneng e tshwaretswe kwa lebaleng la metshameko la North West University morago ga go fapha Junior Stars ka nno ele nosi go lefela (1-0) kwa makgaolakgannyeng.

Junior Stars e padimotse Chilliebite ya kwa Nhole kwa Taung ka dino dile nne go tse pedi (4-2) morago ga thago ya dipenale, mo motshamekong wa ntlha wa seka-makgaolakgang yo o fedileng ka dino dile pedi setlhopa (2-2), fa mo go je lengwe Young Stars ene ya ripitla Future Ladies e eneng e tshameka ka batshameki ba le robedi ka ntateng ya tlhakatlhakano ya dikarata tsa ikwadiso ya batshameki ka dino dile tlhano go lefela (5-0) mo mogoteng yo oneng o ntsha tlhapi mo metsing.
Nno ele nosi ya ga Onalenna Makhubela e thusitse Young Stars go fenya bosimega, morago ga motshameko wa makgaolakgang yo oneng o gagametse thata ebile o rokotsa mathe, mme ditlhopa ka bobedi di tlhatloseditswe kwa North West Sasol Women’s League.

Young Stars e fentse dikabo tsotlhe tsa SAFA North West Inter-Provincial Play-offs. Grace Mabo o fentse kabo ya motshwaradino yo o gaisitseng wa letsatsi, Amogelang James a fenya kabo ya motshameki yo o gaisitseng fa Goodwish Modise a fentse kabo ya mokatise wa letsatsi.

Re sa le foo fa a ne a buisana le Kgwele Tumelo Mashego o buile jaana “Despite the challenges faced through the season and at the playoffs, we are happy we made it. We are over the moon that we won promotion to the Sasol Women’s League, though it was not easy but we are happy that we made it and finally we prevailed as winners and becomes champions of the province.


