#SAFA#VarsityFootballNewsSports

TUT ke ditshimega tsa Varsity Football championship 2023

Soweto: Tshwane University of Technology (TUT) e fentse University of Johannesburg (UJ) le go gapa bosimega jwa Varsity Football Championship jwa 2023. TUT ba eleng basireletsi ba bosimega jono, e nna ditshimega lekgetlho lwa bone morago ga go padimola UJ ka dino dile tlhano go dile nne morago ga thago ya dipenale kwa lebaleng la metshako la UJ kwa Soweto.

Seno ke morago ga gore motshameko o fele ka maleka a nno setlhoppa morago ga metsotso ele masome a robongwe (90 min).

The Orange Army jaaka ga ba ipela, ba simolotse motshameko ono ka noto e e kwa tlase eleng se seneng sa fa TUT tshiamelo ya gonna le letsogo le le kwa go di ngwana. Thuso Mlamla o ne a tlhoma TUT kwa pele mo motsotsong wa borobongwe morago ga gore motshameka morago wa UJ Karabo Modisane a dire phoso.

UJ eleng ba amogela baeng ba ne ba simolola go itharabologelwa le go boela mo motshamekong fa ba ne ba simolola go tshwara kgwele le go aga ditshono tsa go nosa. Maiteko a ga Ntokozo Mathobela a ne a itaya sefolletse mo motsotsong wa bo masome a mane pedi fa motshwaradino wa TUT a ne a sireletsa kgwele ya gagwe. Motshameko o ne wa ya go ikhutsa ka ketapele ya The Red Army ya nno ele nosi.

Tshegetso go tswa go balatedi ba UJ mo karolong ya bobedi ene ya thusa ba amogela baeng go lekalekanya dino. Ntokozo Mathobela o ne a aga kgwele e e nositsweng ke Siphosihle Nkambule morago ga motsamao yo o matsetseleko

Motshameko o ne waya bokhutlhong ditlhopa ka bobedi di itaana ka noga e tshela ka maiteko a go bona nno e e ka ba dirang bafenyi.

Banosi ba motshameko: TUT – Thuso Mlamla

UJ – Siphosihle Nkambule

Motshameki yo o gaisitseng wa motshameko: Hendrick Mncedisi Xaba

Motshameki yo o gaisitseng wa kgaisano ya FNB Varsity Football Championship 2023: Ntokozo Mgidi

Motshameki yo o nositseng dino dile dintsi wa kgaisano ya Suzuki Varsity Football Championship 2023: Ronald Mabaso

Motshwara dino yo o gaisitseng wa kgaisano ya Cashbuild Varsity Football Championship 2023: Lona Richard Banga 

Setlhopa sa TUT: Luyanda Mandindi, Ndumiso Kubheka, Tebogo Lekaba, Freddy Mahloana, Alan Moja, Anda Yamile, Hendrick Mncedisi Xaba, Lindokuhle Tumelo Motsamai, Thuso Mlamla, Tshiamo Mahome, Ronald Mabaso. 

Setlhopa sa UJ: Lona Richard Banga, Ngwako Ramaloko, Maselesele Makoti, Thabo Moshikere, Thanda Madiba, Advocate Mokwena, Tumelo Molubi, Karabo Modisane, Ntokozo Mathobela, Malik Mashinini, Siphosihle Nkambule.

Tshedimosetso ka Varsity Sports SA