Tona Zizi Kodwa o ikuela go Corporate SA go ema nokeng metshameko ya basadi
Johannesburg: Tona ya Lefapha la Metshameko, Botaki le Setso Zizi Kodwa o lopa Corporate South Africa (SA) go dira mmogo le puso go netefatsa fa kgwele ya dinao ya basadi le bolo-tloa e nna tsa porofeshenale mo nageng.
Lefapha lene le laleditse Banyana Banyana le Spar Proteas go ja dijo tsa mo mosong tse di kgethegileng mmogo ka 17 Phatwe 2023 kwa Johannesburg, seno ele go ba tlotla ka go emela naga kwa metshamekong ya sejana sa lefatshe sa basadi le sejana sa lefatshe sa bolo-tloa.

Kwa Australia le New Zealand, Banyana Banyana e ikwadile ka ditlhaka tsa molelo, ka gonna setlhopa sa ntlha sa naga sa kgwele ya dinao sa bo Mme kgotsa bo Rre go fetela kwa legatong la ditlhopa dile lesome thataro, eleng se se tlhotlheleditseng Kodwa go tsibosa Corporate SA go elwe tlhoko boleng jwa metshameko ya basadi.
Kodwa a re metshameko ya basadi e dirile kgwedi ya basadi ya 2023 gonna e e tla yang tlase le histori. Kodwa a re o itumeletse diphitlhelelo tsa bone mme ba tshwanetse go newa tlotla le tshegetso e ba e tlhokang.


