SAFA e dirile pulo semmuso ya Clive Baker Academy go tlotlomatsa mogaka oo tlhokafetseng
Johannesburg: South African Football Association (SAFA) e dirile pulo semmuso ya SAFA Clive Baker Academy go tlotlomatsa mogaka oo tlhokafetseng Clive Barker, oo kgontshitseng Bafana Bafana go fenya kgaisano ya African Cup of Nations (AFCON) ka ngwaga wa 1996.
Motlatsa-moporesidente wa SAFA Linda Zwane ke ene a buletseng tiragalo ka go neelana ka puo e e kayang ponelopele ya mokgatlho wa SAFA e e neng e tshwaretswe kwa Nasrec, kwa borwa jwa Johannesburg, maitlhomo e le go tsweletsapele kgwele ya dinao mo nageng.
Zwane a re, “We are pushing two main agendas – being women’s football and youth football. It is critical that in line with these two agendas, our coaches are educated and skilled to be able to meet the international standards of these areas of football, and today’s launch speaks about that,’’

Zwane o akgotse SAFA ka tiro e e ntle ya go rupela bakatisi, mme o kopile gore ba thuse tswelopele ya kgwele ya dinao mo mafelong aa farologaneng a baagi. Motlatsamodulasetulo wa Technical Committee ya SAFA Jack Maluleka o isitse matshidiso go mogaka wa mokatisi oo fentseng kgaisano ya AFCON, oo tlhokafetseng ka Lamatlhatso 10 Seetebosigo 2023 morago ga go tshwarwa ke Lewy Body Demetia (LBD).
Technical Director ya SAFA Walter Steenbok o tlhalositse maikaelelo a Clive Berker Academy mme o itsisitse gore mokgatlho o tla tshwara CAF A License Diploma courses, ka kgwedi ya Ngwanatseele 2023.
Steenbok a re: “We are excited to announce the Clive Barker Academy and have already outlined some of the courses that will be offered from 2024. We as the South African Football Association have a responsibility to educate and uplift our coaches, who will in return elevate our football as a nation”.
“We will be offering a number of different courses under the Clive Barker Academy and we are open to working with stakeholders and institutions from South Africa and abroad to capitalize on the initiative in order to grow our football” O tlhalosa go ya pele Steenbok.
Steenbok o khutlisitse ka gore “The Technical side of football is very interesting and modern football allows for specialists in many different aspects of the technical department. In modern football, one can become a Technical Director, a performance analyst, a scout, youth coach/scout and many other areas. The SAFA Clive Barker Academy will focus on areas such as these to train our up and coming coaches”.


