#ABCMotsepeLeague#SAFANewsSports

Sibongile Morokana ke molaudi wa Bokone NW FC mo ABC Motsepe League

Sibongile Morokana o tshotse taolo e e feletseng ya Bokone NW FC mo ABC Motsepe League, se se tla morago ga gore kgolagano ya gagwe le Kagiso Molefe e fele,  pegelo e tla ka Bokone NW FC.

“Our club is fortunate to have been led by these two football geniuses during the substance of the partnership agreement their administrative skills are indeed remarkable. The club would like to assure the supporters that this is not the end of the road for their beloved club as the erstwhile partners have agreed as follows in order to retain the structure and reputation of the club, also to provide our beloved supporters with a sense of belonging.” Pegelo go tswa mo setlhopeng.

Kgaogano ya ga Morokana le Kagiso e kaya tshimologo ya tsotlhe tse di swa, e kaya gore Morokana o tlaa ikemela ka dinako tsotlhe le gore a dirise ditogamaano tsa gagwe tse di tlaa mo kgontshang go fitlhelela maemo aa siameng. Bokgoni jwa gagwe jwa go etelela setlhopa pele le maitemogelo ke tsone tse di tlaa mo kgontshang go ba ya Bokone FC kwa mangkalengkaleng.

Morokana a ka nna tsaya ditshweetso tsa go fetola leina la setlhopa.

“It has been agreed by Mr. Molefe and Miss Marokana that Miss Marokana will retain the status of the club, assets and administrative staff contracted to the club. The club will be renamed in due course and will continue to play in the ABC Motsepe League as it was further agreed that Mr. Molefe will retain the present name of the club.” pegelo go tswa mo setlhopeng.

Jaaka barati le balatedi ba setlhopa re itumeletse thata setlha se se swa, ba na le tumelo ya gore setlhopa se tlile go dira bontle thata. Boeteledipele jwa ga Morokana bo tshepisa gore setlhopa se tlile go nna le bokamoso jo bo phatsimang. Maemo a Morokana a leng mo go ona a rotloetsa basadi gore le bone ba se ikobonye. | Tshedimosetso ka gsport4girls