Kgopotso Moshapo o dirile tiro e e ntle ka dino tse a dinositseng
Mahikeng: Motshameka morago wa setlhopa sa North West University o dirile tiro e e ntle thata ka go nosa mo metshamekong e e mebedi ka tatelelano ya Varsity Football .
Lekawana le, le thusitse setlhopa sa gagwe go sireletsa phenyo e ba e boneng fa ba ne ba tshameka le Central University of Technology (CUT), le go sireletsa gore ba tswe maleka kgatlhanong le University of Free State(UFS). Phenyo ya NWU ya 2 -1 kgatlhanong le CUT e itumedisitse ba bogedi le barati le balatedi ba ba neng ba lebeletse motshameko thata kwa lebaleng la NWU Mahikeng.

Moshapo o nositse ka tlhogo mo motsotsong wa 95, mme nno ya gagwe e ne ya dira gore ba bogedi ba itumele go fetisa. Morago ga beke fela Moshapo o ne a itshupa ka go nosetsa setlhopa sa NWU le go lekalekanya dino kgatlhanong le UFS. O nositse mo metsotsong e le 92 ka tlhogo. Dino tse a di nositseng di mo dirile mamoratswa wa babogedi le sebetsa sa botlhokwa sa NWU. Fa a bodiwa ka maitemogelo a gagwe a Varsity Football, o tshwaetse jaana, “ke sengwe se se thata ka gore dilo tse di kwa ntle di kgona go dira gore o se ke jaaka o tshwanetse le go nna le kgatelelo”.
Tsela e Moshapo a nosang ka yona ke e iteragalelang fela, mme o tlhalositse gore ga se selo se a neng a se rulaganyeditse, o tlhalositse gore o ne a le mo maemong a a siameng. Pele ga motshameko o simologa o rata go reetsa mmino le go tlotla le batshamaki nae, mme o sala morago tsela e e rileng ya go tshameka ka gore o dumela gore e tlaa thusa setlhopa go fenya. Kgopotso Moshopo yo o itsagaleng ka “Gattuso” o bonwe kwa Tshwane, mme o simolotse go tshamekala NWU ka 2022. Felo goo lekawana le le tshamekang gona go tlhoka motshameki yo kgonang go buisang le batshameki nae e bile e le moeteledipele mme Moshapo o ntse jalo ka tlhago. Loeto la gagwe la go tshameka kgwele ya dinao le simologile a le dingwa di 5, mme o tshameketse ditlhopa tse di farologaneng.

“Ke simolotse loeto la ka go tshamekela setlhopa sa Akasia ka 2011 kwa Tshwane, mme morago ka ya go tshamekela Mamelodi Sundows Academy ka 2014 – 2018, morago ka tshamekala setlhopa sa PSB sebaka sa ngwaga pele ga ke tla tshamekela Garankuwa United ka 2019, mme ka tla go tshamekela NWU Ka 2020.” O tlhalositse loeto la gagwe jalo. Tonamente ya 2022 ya Varsity Football e neile Moshapo maitemogelo a a mantsi thata le batshameki nae. O lebogile thata batshameki ba ba mo thusitseng gore a fitlhelele maemo a a leng mo go ona ga jaana. Boleng teng jwa ga Moshapo bo bo tlhokwa thata mo setlhopeng sa NWU jaaka fa a tsweletsepele go dira di aba. Bokgoni jwa gagwe jwa go nosa bo mo dirile motshameki o o botlhokwa thata ka Varsity Football.


