#SAFACommunityNewsSports

BANYANA BANYANA E TLHATLOGA DIKGATO DILE ROBONGWE KWA FIFA!!!

Banyana Banyana e tlhatlhogile dikgato dile robongwe mo boemong jwa semmuso jwa FIFA go tloga go masome a matlhano nne (54) go ya go masome a mane tlhano (45) le maemo a bobedi mo Aforika. Seno se diragal morago ga go fitlhelela legato la ditlhopha dile lesome thataro kwa metshamekong ya kgaisanong ya sejana sa lefatshe ya basadi e e neng e tshwerwe go sa le ga le mono ngwaga.

Setlhopha sa ga Desiree Ellis ba kwadile maina a bona ka ditlhaka tsa molelo, morago ga gonna setlhopha sa pele sa bosetshaba sa kgwele ya dinao go fitlhelela legato la mantshano la metshameko ya bo ditshabatshaba.

Banyana e fitlheletse legato la ditlhopha dile lesome thataro marago ga go padimola Italy, pele ba notwa ka dino dile pedi kgatlhanong le lefela ke Netherlands le go ba ntshetsa ntle mo metshamekong.

Go latela dipholo tseno batho ba le bantsi ba ne ba solofetse gore gongwe setlhopha setla akaretswa go dile masome a mararo tse di itlhomileng kwa godimo mo maemong a FIFA. Nigeria e le yone e fitlheletseng legato la ditlhopha dile lesome thataro e tlhatlogetse go nna mo maemong a bo masome a mararo pedi mo lefatsheng fa Morocco e tlhatlogetse gonna mo maemong a bo masome a mabedi pedi mo lefatsheng le a bone mo Aforika.

Banyana batla boela mo lebaleng morago ga metshameko ya sejana sa lefatshe ya basadi fa ba tlabe ba thulana le USA fa Lweetse a tlabe a tlhola matsatsi a le masome a mabedi nngwe (21 September) kwa Cincinnati, le fa Lweetse a tlabe a tlhola matsatsi a le masome a mabedi nne (24 September) kwa Chicago.

Mokatise wa Banyana Banyana Desiree Ellis o itsisitse setlhopha sa batshameki ba le masome a mabedi tharo seo se tla thulanang le ditshimega tseno tsa Amerika Bokone mo metshamekong ele mebedi ya botsalano.

Lenaane la Setlhopa sa Banyana Banyana saga Desiree Ellis

Batshwaradino: Andile Dlamini, Kaylin Swart, Katlego Moletsane

Batshameka-morago: Karabo Dhlamini, Fikile Magama, Lebohang Ramalepe, Tiisetso Makhubela, Lonathemba Mhlongo, Noko Matlou, Bongeka Gamede

Batshameka-gare: Linda Motlhalo, Kholosa Biyana, Nomvula kgoale, Sibulele Holweni, Robyn Moodaly, Sinoxolo Cesane

Batshameka-pele: Gabriela Salgado, Jermaine Seoposenwe, Noxolo Cesane, Melinda Kgadiete, Wendy Shongwe, Hildah Magaia, Thembi Kgatlana.