Monnapule Saleng le Kholetšhi ya Orbit ba etetse motse wa Lefaragatlhe
Lefaragatlhe: Motshameki wa setlhopa sa Orlando Pirates, Monmapule Saleng o ne a etetse motse wa Lefaragatlhe kwa ntlenyana ga Phokeng a patilwe ke setlhopa sa gagwe sa maloba sa Orbit College fa Diphalane a ne a tlhola letsatsi.
Moletlo o ne o rulagantswe ke molekgotla wa kgaolotlhopo ya bosupa ya mmasepala wa selegae wa Rustenburg, Selebaleng Pule, yo gape a eleng leloko la komiti ya ga majoro (MMC) yo o ikarabelang ka lenaane tlhabololo (IDP). Maitlhomo a ketelo eno ene ele go rotloetsa basha le go ba lemosa botlhokwa jwa gonna le maitseo le boinelo gore o bone katlego.

Lefaragatlha e e mo bogareng jwa Phokeng, ke motse yo o tletseng ka basha le batshameki ba kgwele ya dinao ba ba fatlhogang ebile ba na le toro ya go ipona ba atlegile mo mererong ya kgwele ya dinao. Ketelo ya ga Monnapule Saleng yo eleng morotloetsi mo barating ba kgwele ya dinao, e tlisitse tsholofelo le thotloetso kwa motseng ono.

Selebaleng Pule o ne a rulagantse tonamente e mo go yone ditlhopa tsa selegae dineng di gaisana. Tonamente eno ene ele serala se se tla fang basha tshono ya go bontsha talente le bokgoni jwa bone. Saleng le batshameki ka ene ba maloba kwa Orbit College le bone ba ne ba tsaya karolo, ba bontsha lerato la bona la metshameko le maikaelelo a bone a go ribolola talente e e fatlhogang.
Selebaleng Pule o rotloeditse thata batsaya karolo ba baneng ba le ko o fa a ne a ba eme ka lefoko. O lemositse basha botlhokwa jwa go tsepamisa mogopolo mo go se ba se dirang le gonna le maitseo gonne ele tsone tse di tla ba kgontshang go ka bona katlego. Pule o rotloeditse basha go tsaya malebela mo go Saleng le go modirisa jaaka sekai sa gore o ka atlega fao tsepamisitse mogopolo mo go se o se batlang ebile o dira ka natla.
Monnapule Saleng le ene o ne a letlhela la motla pitsong, mme o lebile kwa morago loeto lwa gagwe go tloga kwa tshimologong go fitlha e nna motshameki wa porofeshenale wa setlhopa sa Orlando Pirates eleng sengwe sa ditlhopa tse dikgolo mo nageng. Saleng a re go botlhokwa go itse se o se batlang jaaka motshameki gore o fenye dikgwetlo tse e leng dikgatlampi mo loetong la gago. Saleng o konoseditse ka gore toro o ka e tshela fao na le maikemisetso.

Ketelo ya ga Saleng le Orbit College kwa Lefaragatlha e tlogetse tsholofelo le thotloetso ese kana ka sepe ko motseng yono.
“I didn’t only provide an opportunity for the local youth to witness first-hand the skills of a professional footballer but also instilled a sense of hope and ambition, for many aspiring players. This event was a turning point in inspiring them to pursue their dreams with renowned vigor” said Selebaleng Pule. | Tshedimosetso ka Naledi News


