#SAFANewsSports

SAFA e dirile kgolagano le Hollywoodbets go thusa Men’s Regional League

Johannesburg: South African Football Association (SAFA) mmogo le Hollywoodbets ba dirile pulamadibogo ya go abela Men’s Regional League  matlole kwa ntlokgolo ya SAFA.

 Motlatsa Moporesidente wa SAFA Lindia Zwane o itsesitse ka thuso ya matlole ya dingwaga dile pedi e e ka nna ya okediwa. Ditlhopa tsotlhe tse di welang mo dikgaolong tsa SAFA di tlile go akarediwa go tshameka le ditlhopa tse dingwe di le 18, mme ditlhopa tse di tla beng di le mo maemong a ntlha le a bobedi di tla bona tshono ya go tshameka kwa ABC Motsepe League.

“Re itumeletse thata kgolagano e, ka gore e tla tswela batshameki ba kgwele ya dinao mosola ba ba kwa metse-selegaeng. Ke phitlhelelo e e kgolo go bona thuso ka matlole ka gore ditlhokeng tsa motshameko wa kgwele ya dinao di dintsi thata” Motlatsa-moperesidente wa SAFA, o a tlhalosa. “Go tlhoka thuso ka matlole dingwaga tse pedi go dirile gore go thatafalale ditlhopa gore di tswelelepele.

Mme ga jaana ka ntlha ya thuso ka matlole ditlhopa di tla nna mokootlhata, ka ntlha ya gore batshamiki ba itse gore gona le sengwe se ba tla se fenyang le gore batla fetela kwa magatong a a latelang. “ka kgolagano e, re rotloetsa bokamoso jo bontle go batshameki le go ba neela tshono ya go tshamekela ditlhopa tsa maemo a a  kwa godimo” go tlhalositse motlatsa-moperesidente wa SAFA.

Motsamaise-mogolo wa Hollywoodbets Indira Albuquerque a re ba itumeletse thata kgolagano ka gore ba batla go nna le seabe se se golo mo baaging, mme ka kgwele ya dinao o kgona go fitlhelela diketekete tsa batho. Hollywoodbets Regional League e tla thankgololwa ka Lwetse 2023.